Pelo E Ja Serati Poem by Sir Tshiamo Modise

Pelo E Ja Serati

Rating: 3.5

Fa nkabo ke itse kene ketla ipala mebala ya kgaka
Fela bontle jwa gago bo a nkgaka
Ke aga ke felela ka lele reng ke mabele
Mme o ntebe ekare ware ipale ya kgaka eseng ya serurubele

Ao! Seilatsatsi sa marata go lejwa
Meno masweu seratwa ke nna
Ka bosweu jwa semathana godimo ga thaba
Monyebo le dipounama tsa ntsosetsa diletseng tsa maloba fa ken eke kopa Rramasedi mafoko gore ere motlhang ke rakanang nao, ke thelele jaaka thellabodiba.

Go sego yoo reng gogo bona a bone sego
Eseng bo tududu batla salang ba didimetse bokgaitsedi ba fetoge mafetwa bale teng
Bo malome ba tlhoke go ja ditlhogo
Dikgomo ditlhoke go wela mogobeng

Kgang e e boteng jwa petse ya matlhoka go okomelwa
Fela jaaka go batlelwa kgarebe ke bakgekolo
Dilo tsa bogologolo
Majwe a sale metsi, badimo ba tlhabelwa

Pelo e ja serati
Serati se meditse loleme lolo borethe
Go bokete, pelo tshweu lebala ka manno
Mmatla sa gagwe gaana maano

POET'S NOTES ABOUT THE POEM
I believe every writer should have at least one piece written in their home language.
COMMENTS OF THE POEM
READ THIS POEM IN OTHER LANGUAGES
Sir Tshiamo Modise

Sir Tshiamo Modise

Johannesburg
Close
Error Success