Fa ke ne ke le mmoki
Ke ne ke tla tsatsanka monogwaga
Ke mo lebogela setoki
Se a nkgabisitseng ka sone jaaka sebaga
Ngwaga o o ne o tlhapile
O ntse montle jaaka kgaka
Itheetso e ne e le ntsi, ke namile
Go sena kgomo e e tlhabang ka dinaka
Monongwaga, a ngwaga o o kagiso
Ditsebe tsa me di ne di itapolositse
Mo modumong wa bo Refilwe, Dimpho le Kgatlhiso
Ke e ja lokgalela lo o neng o lo gakolositse
Ngwaga o ke boneng mosetsana yo o phalang
A tswa metsing a kwa Managua
Ke itse fa a tla mpona fa a sena se a se rwalang
'tsatsi lengwe o tla mmanama
Ngwaga o ke butseng diphuka
Ka fofela dithabeng
Ka ntlha ya go sa tswaleng dibuka
A bontle mo ditshabeng
Ngwaga o ke utlwile botshe jwa go fufula
Le nna ke tshwane le batho
Ba kae ba ba neng ba nthumula
Ke solofela fa ba butse matlho
Monongwaga robala sentle
Ke go ratile mo go maswe
O ntshegofaletse bo Lekoto le bo Sentle
O ba thatafatse jaaka majwe
This poem has not been translated into any other language yet.
I would like to translate this poem
wow! ! ! ! amazing Tumi. God bless you for using your talent :)